2 Peter 1

Boitshwaro le bopelotelele

1Lokwalo lo lo tswang kwa go: Simone Petere, motlhanka le morongwa wa ga Jesu Keresete. Lo ya kwa go: botlhe ba ba nang le tumelo e e tshwanang le ya rona. Tumelo e ke buang ka yone ke ya mofuta o Jesu Keresete Modimo le Mmoloki wa rona o e re nayang. E ntle jang e bile o tshiamo jang go naya mongwe le mongwe wa rona tumelo e, e e tshwanang.

2A o batla boutlwelo-botlhoko jwa Modimo thata le kagiso? Jalo ithute go mo itse botoka thata.

3Gonne fa o mo itse thata, o tlaa go naya ka nonofo ya gagwe, sengwe le sengwe se o se batlang go tshela botshelo jwa boammaaruri: O tlhakanela le rona le eleng kgalalelo le tshiamo ya gagwe. 4Mme ka yone fela nonofo e kgolo eo, o re neile khumo le masego a a hakgamatsang a o a solofeditseng, jaaka tsholofetso ya go re boloka mo dikeletsong le mo boleong jo bo re dikaganyeditseng, le go re naya mokgwa wa gagwe.

5Mme go nna le dimpho tse, lo tlhoka mo gogolo go feta tumelo; lo tshwanetse gape go dira thata go nna tshiamo, le fa go sa lekana. Gonne lo tshwanetse go ithuta go itse Modimo thata le go bona se o batlang lo se dira.

6Gape, ithuteng go beela dikeletso tsa lona fa thoko gore lo tle lo nne pelotelele le tshiamo, ka boitumelo lo letla Modimo go tsamaya le lona. 7Se se tlaa dira gore kgato e e latelang e kgonege, e e leng ya lona go itumelela batho ba bangwe le go ba rata, mme morago lo tlaa gola mo go ba rateng thata. 8Fa lo ntse lo tsweletse sentle mo tseleng e, lo tlaa nonofa mo moweng lo bo lo nna le maungo le tiriso mo go Morena wa rona Jesu Keresete. 9Mme mongwe yo o palelwang ke go sala mekgwa e ya tumelo morago, ke sefofu, ebile ga a bone sentle, mme o lebetse gore Modimo o mo golotse mo botshelong jo bogologolo jwa sebe le gore jaanong o ka tshela botshelo jo bo tiileng, botshelo jo bo siametseng Morena.

10Jalo bakaulengwe ba ba rategang, dirang thata go supa tota gore lommogo le ba Modimo o ba biditseng le ba o ba tlhophileng, mme ga lo kitla lo kgotswa kgotsa lo wa.

11Mme Modimo o tlaa lo bulela dikgoro tsa legodimo go tsena mo Bogosing jo bo sa khutleng jwa Morena le mmoloki wa rona Jesu Keresete.

Tshupo ya ga Petere le baporofiti

12Ke rulaganyetsa go nna ke lo gakolola dilo tse ka metlha le fa lo setse lo di itse ebile tota lo tsamaya sentle! 13
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Petere II 1:14.
14
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Petere II 1:13-14.
Mme Morena Jesu Keresete o mpontshitse gore malatsi a me mo lefatsheng a badilwe, ke gaufi le go swa. Fela fa ke santse ke le fa ke ikaelela go nna ke lo romelela dikgakololo tse,
15ke solofela go di gatelela sentle mo go lona gore lo tle lo di gakologelwe ka lobaka lo loleele fa ke sena go tloga.

16Gonne re ne re sa lo bolelele dinaane fa re lo tlhalosetsa nonofo ya Morena wa rona Jesu Keresete le go tla ga gagwe gape. Ka matlho a me ke bonye phatsimo e kgolo le kgalalelo ya gagwe! 17
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Petere II 1:18.
18
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Petere II 1:17-18.
Ke ne ke le gone mo thabeng e e boitshepo fa a phatshima ka tlotlo e o e neilweng ke Modimo Rraagwe; ke utlwile lentswe leo le le galalelang la Bogosi le le neng le tswa legodimong, le re, “Yo ke Morwaake yo o rategang thata; ke itumela thata ka ene.”

19Jalo re bonye ebile re tlhomamisitse gore se Baporofiti ba se buileng se diragetse. Lo tlaa bo lo dira sentle go tlhokomela sengwe le sengwe se ba se kwadileng, gonne jaaka lesedi le phatshima mo felong fa go lefifi, mafoko a bone a re thusa go tlhaloganya dilo di le dintsi tse gongwe di ka bong di fifetse ebile di le thata. Mme fa lo ela tlhoko boammaaruri jo bo hakgamatsang jwa mafoko a baporofiti, jalo lesedi le tlaa phatsima mo meweng ya lona mme Keresete Naledi ya moso o tlaa phatsima mo dipelong tsa lona.

20
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Petere II 1:21.
21
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Petere II 1:20-21.
Gonne ga go na polelelo-pele epe e e kwadilweng mo Lokwalong e e ikakanyeditsweng ke moporofiti ka bo ene. E ne e le ka Mowa O O Boitshepo o o neng o le mo bathong ba ba ratang Modimo o o ba neetseng molaetsa wa boammaruri o o tswang kwa Modimong.
Copyright information for TsnLEF